SABC News PodcastsSABC News Podcasts

BORESETSE: Puisano ka go dirisiwa ga di-biometrics go fetola dintlha tsa baagi ba amogelang grant ya R370

View descriptionShare

Kelebogile Kgetse o buisana le Motsamaise yo o dirang ka di-grant go tswa kwa setheo seo se duelang baagi madi a thuso go tswa go bathati ba puso, SASSA,  Fanie Sethokga.

Baagi ba ba amogelang madi a thuso a R370, ba re batlhankela ba setheo seo se duelang baagi madi a thuso go tswa kwa bathating ba puso, SASSA ba ba siamololela, ka go fetola mokgwa o o dirisiwang go fetola dintlha tsa bona, kwantle le go ba neela tshedimosetso pele ga nako. Seno se latela gore batlhankela ba SASSA ba simolole go dirisa mokgwa o montshwa wa technology wa di-biometrics jaaka di-fingerprint le setshwantsho sa sefatlhego fa moagi a batla go ntshwafatsa dintlha tsa gagwe, fa gongwe a fetola nomoro ya cellphone kgotsa a fetola banka e a amogelang kwa go yona. Batlhankela ba SASSA ba re diphetogo tseno ke go thibela go tsiediwa ga batho le go dirisa dintlha tsa baagi ba bangwe go amogela madi ano a SASSA.

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 1 playlist(s)

  1. SABC News Podcasts

    1,359 clip(s)

SABC News Podcasts

SABC News CAFF Podcasts
Social links
Recent clips
Browse 1,252 clip(s)