Tonakgolo wa Gauteng Panyaza Lesufi, o itsisitse bakhuduthamaga ba Gauteng. Lesufi o thapile bakhuduthamaga ba le supa go tswa mo go ba lekoko la ANC, a le mongwe go tswa go ba lekoko la Inkatha Freedom Party, a le mongwe go tswa go Patriotic Alliance le a le mongwe g tswa kwa RiseMzansi. Bakhuduthamaga ba le supa ba ANC ke ba ba neng ba le gona mo tsamaisong ya puso e e fetileng.