Baeteledipele ba mokgatlho o elang tlhoko tiro ya maphata a bosiamise - Judges Matter ba re maloko a kokoano ya bosetshaba ba tshwanela go tlhopa maloko a a nang le maitsholo a maleba go nna le seabe mo di-commission tsa parliament tse maloko a tsona a dirang ka merero ya maitsholo a baatlhodi, go thapiwa ga baatlhodi le tsamaiso ya lephata la molao le dikgotlhatshekelo - Judicial Services Commission, JSC le Magistrate Commission. Maloko a kokoano ya bosetshaba ba ne go sa le gale beke eno ba tlhopa maloko go nna maloko a di-commission tseno mo pakeng e ntshwa ya puso. Ba Judges Matter ba re go tshwanetse go nne le molao o laolang maitsholo a maloko a di-commission tseno.