Kelebogile Kgetse o buisana le mongwe wa batho ba ba lwelang ditshwanelo tsa banna le basimane yo gape eleng motlhami wa mokgatlho go rotloetsa go fedisa go dirisiwa botlhaswa ga bojalwa le diritibatsi - Addiction Must Fall - Thabang Sefotho.
Letsatsi la bofelo la kgwedi mo thulaganyo ya rona ya Boresetse re buisana le mongwe go tsibogela kgotsa go araba matshwenyego le dingongorego tse wena jaaka moreetsi o di tlhagisang mo sekhutlwaneng sa rona sa Lamotlapitsong. Re ne ra bua le banna ka maitemogelo a bona a go gatelelwa ke maikutlo le tlhaloganyo. Seno ke jaaka mo kgweding eno ya Seetebosigo go lebelelwa malwetsi a tlhaloganya a amang banna.