President Cyril Ramaphosa o itsisitse ditona le batlatsa-ditona ba bantshwa. Seno ke morago ga kgwedi, ditlhopo tsa bosetshaba le diprovince di tshwerwe. Ditona le batlatsa-ditona ba akaretsa maloko a makoko ao baeteledipele ba ona ba le mo tumelanong ya puso e e tshwaraganetsweng - Government of National Unity, e le ba lekoko la ANC, Democratic Alliance, Inkathata Freedom Party, Pan Africanist Congress of Azania, United Democratic Movement, Patriotic Alliance, GOOD Party, Freedom Front Plus, Al JAMAAH le United Africans Transformation.