Goitseone Moremi o buisana le motlhankela yo a dirang ka merero ya bana kwa Save The Children, Kgomotso Papo malebana le diura tsa barutwana kwa sekolong. Baeteledipele ba mokgatlho o ka ga go somarelwa ga ditshwanelo tsa bana, Save The Children ba re le fa barutwana ba matric ba falola sentle ba tshwengwa ke mokgwa o dirisiwang kwa dikolong go ruta barutwana. Ba re go rutiwa diura di le dintsi le go ya sekolong mo mafelo a beke ga barutwana, go ama boitekanelo jwa bone. Baeteledipele ba Save The Children ba re seno se dira gore barutwana ba se nne le nako e lekaneng go ikhutsa.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le tshitshinyo ya gore setlamo sa ga mogwebi, Elon Musk sa Starlink se dire mo Afrika Borwa .
05:41

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano le sebueledi sa National Taxi Alliance - Theo Malele, ka bakgwetsi ba ba sa kgwetseng sentle.
08:22

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano le sebueledi sa ba mokgatlho wa badiri FAWU Lebo Phanyeko.
02:44