Kelebogile Kgetse o buisana le sebueledi sa ba mokgatlho wa beng ba di-taxi - NTA - Theo Malele.
Baagi ba re ba tshwengwa ke ka moo bakgwetsi ba di-taxi ba ba amegang mo dikotsing ba kgweetsang ka teng. Seno se latela kotsi e barutwana ba le some le bobedi ba tlhokafetseng fa minibus e ba isang sekolong e ne e thulana le truck mo Golden Highway, gaufi le Vanderbijlpark kwa kgaolong ya Vaal. Tona wa thuto, Siviwe Gwarube, a re ba tshwenngwa ke go sa kgweetseng go ya ka molao ga bakgweetsi ba dibese le di-taxi ba ba isang barutwana dikolong. Gwarube a re dikotsi di le dintsi tsa dikoloi di tlholwa ke go sa kgweetseng go ya ka molao. Kgabagare mokgweetsi wa minibus e amegileng mo kotsing ya barutwana o tshwerwe.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le diura tsa barutwana kwa sekolong.
12:15

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le tshitshinyo ya gore setlamo sa ga mogwebi, Elon Musk sa Starlink se dire mo Afrika Borwa .
05:41

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano le sebueledi sa ba mokgatlho wa badiri FAWU Lebo Phanyeko.
02:44