Goitseone Moremi o buisana le sebueledi sa ba mokgatlho wa badiri ba puso, Public Servants Association, PSA, Madimetja Mautla , malebana le go dirwa ga lifestyle audit mo badiring ba puso. Tona wa badiri ba puso, Inkosi Mzamo Buthelezi a re ba dirile dipatlisiso mo badiring ba puso ba feta dikete di le robedi, gore a dithoto tse ba naleng tsone tse di akaretsang dikoloi le matlo go ya ka dituelo tsa bona tsa kgwedi, lifestyle audit. Buthelezi a re mo badiri bao, bangwe ba ne ba sa bua nnete gore ba nale dithoto dingwe le gore go nale madi a mangwe aba a amogelang. A re ba batlisisa badiri ba bangwe gape ba feta lekgolo some a supa ba go begwang ba sa bua nnete malebana le dithoto tse ba naleng tsone.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le sebueledi sa bosetshaba sa Federation ya mekgatlho ya badiri, COSATU, Zanele Sabela
04:00

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le leloko la Committee ya Parliament e e ka ga merero ya thuto Tshepo Louw.
07:33

MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano le sebueledi sa bosetshaba sa lefapha la merero ya ditiro tsa puso - Lennox Mabaso
07:39