Bangwe ba baagi ba re bathati ba puso ga ba dire go lekane go tlhokomela meago ya puso, gore bangwe ba se e dirise mo mererong ya bosenyi. Baagi ba kwa Ekuphakameni gaufi le Carletonville kwa province ya Gauteng, ba re ga ba a babalesega gonne badiri ba moepo ba ba seng mo molao, ba nna mo moagong wa sekolo sa puso. Baagi ba re badiri ba moepo ba ba seng mo molaong, ba simolotse go nna mo moagong oo fa barutwana ba sena go fudusetswa kwa sekolong se sengwe. Ba re go ne go kwadisitswe palo e nnye ya barutwana kwa sekolong seo sa Ekuphakameni. Baagi ba bega fa badiri ba moepo ba ba seng mo molao, ba dirisa sekolo seno jaaka tavern gape e le lefelo la go robala.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le sebueledi sa bosetshaba sa Federation ya mekgatlho ya badiri, COSATU, Zanele Sabela
04:00

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le leloko la Committee ya Parliament e e ka ga merero ya thuto Tshepo Louw.
07:33

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano le ba mokgatlho wa badiri ba puso, PSA malebana le go dirwa ga lifestyle audit mo badiring ba puso
15:10