Kelebogile Kgetse o buisana le sebueledi sa ba lefapha la dipalangwa kwa Gauteng - Lesiba Mpya.
Bathati ba lefapha la dipalangwa kwa Gauteng ba re jaaka barutwana ba simolola ka dithuto di simolola gompieno, ba tlile go netefatsa fa barutwana ba ba dirisang dipalangwa tse di ba isang kwa dikolong ba babalesegile. Mokhuduthamaga wa dipalangwa kwa Gauteng, Kedibone Diale -Tlabela a re ba tshwenngwa ke gore ke gore dingwe tsa ditaxi le dibese tse di isang bana kwa dikolong ga di siama go ka kgweediwa go isa bana kwa dikolong.