Goitseone Moremi o buisana le sebueledi sa bosetshaba sa ba lefapha la thuto, Terrence Khala .malebana le ditiragalo tsa go tsietsa ga barutwana ba Matric fa ba kwala ditlhatlhobo. Tona wa thuto, Siviwe Gwarube a re dipholo tsa barutwana ba matric ba ngwaga e fetileng ga di amega lefa go nnile le ditiragalo tsa barutwana ba go begwang ba tsieditse mo ditlhatlhobong. Go begwa fa barutwana ba le some a mane ba kwa dikolong di le supa kwa Pretoria ba filwe di-Question Paper pele ba kwala dilthatlhobo tsa Matric tsa ngwaga e fetileng. Go begilwe ditiragalo tse dingwe tsa go tsietsa ga barutwana mo ditlhatlhobong tsa matric mo dingwageng tse di fetileng. Tona Gwarube a re ba tla netefatsa fa ngwaga eno go sa nne le barutwana ba ba tsietsang mo ditlhatlhobong