Kelebogile Kgetse o buisana le moitseanape wa dipolitiki, Dr Thapelo Tselapedi
Go fetolwa ga molao wa ditlhopo Electoral Amendement Act mo ngwageng o o fetileng go dira gore batho ba ba sa golagangweng le makoko a dipolitiki ba kgone go gaisanela maemo kwa kokoano ya bosetshaba le dikokoano-theo-molao tsa diprovince mo ditlhopong. Diphetogo tseno di dira gore gonne le ballot paper ya boraro, eo baagi ba ka tlhopang bontlhopeng ba ba ikemetseng go nna maloko a kokoano ya bosetshaba. Go ya ka molao wa ditlhopo, bontlhopeng ba ba ikemetseng ba tlile go gaisanela manno a le makgolo a mabedi, go tswa go manno a le makgolo a mane a kokoano ya bosetshaba. Batlhankela ba commission ya ditlhopo - IEC ba re bontlhopeng ba ba ikemetseng ba le barataro ba tlile go gaisanela go nna maloko a kokoano ya bosetshaba. Fa bontlhopeng ba ba ikemetseng ba ka tlhopiwa, ba tlile go nna le seabe se se jang kwa kokoano ya bosetshaba le kwa dikokoano-theo-molao tsa diprovince?