RorisangRorisang

Tiyang Lo Seka La Boifa

View descriptionShare
Joshua 1:2-9

Moshe motlhanka wa me o sule;+ mme jaanong nanoga, kgabaganya Joredane eno, wena le setšhaba seno sotlhe, o tsene mo lefatsheng le ke le ba nayang, e bong bomorwa Iseraele.+ 3 Lefelo lengwe le lengwe le pato ya lonao lwa lona e tla le gatang, ke tla le lo naya, fela jaaka ke solofeditse Moshe.+ 4 Karolo ya lona ya naga+ e tla nna go simolola kwa nageng le Lebanona eno go fitlha kwa nokeng e kgolo, noka ya Euferatese, ke gore, lefatshe lotlhe la Bahite,+ le go fitlha kwa Lewatleng le Legolo go ela kwa bophirimatsatsi. 5 Ga go na ope yo o tla emang a nonofile fa pele ga gago malatsi otlhe a botshelo jwa gago.+ Ke tla nna le wena+ fela jaaka ke ne ke na le Moshe. Ga nkitla ke go latlha le fa e le go go tlogela gotlhelele.+ 6 O nne pelokgale o bo o nonofe,+ gonne ke wena yo o tla dirang gore batho bano ba rue+ lefatshe le ke neng ka le ikanela borraabonemogologolwane gore ke tla le ba naya.+
7 “Fela o nne pelokgale o bo o nonofe thata go tlhokomela go dira kafa molaong otlhe o Moshe motlhanka wa me a o go laoletseng.+ O se ka wa o fapoga wa ya kafa mojeng kgotsa kafa molemeng,+ gore o dire ka botlhale gongwe le gongwe kwa o yang gone.+ 8 Buka eno ya molao e se ka ya tloga mo molomong wa gago,+ o e balele kwa tlase motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go yone;+ gonne o tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale.+ 9 A ga ke a go laela?+ O nne pelokgale o bo o nonofe. O se ka wa garoga pelo kgotsa wa tshoga,+ gonne Jehofa Modimo wa gago o na le wena gongwe le gongwe kwa o yang gone.”+
  • Facebook
  • Twitter
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 1 playlist(s)

  1. Rorisang

    95 clip(s)

Rorisang

It’s a church service show coupled with a Sunday school. Content is based on Christian belief accord 
Social links
Recent clips
Browse 95 clip(s)