Baefeso 5:23
ka gonne monna ke tlhogo ya mosadi+ wa gagwe jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego, ka ene e le mmoloki wa mmele ono. Tota e bile, jaaka phuthego e ikobela Keresete, jalo a basadi le bone ba nne jalo mo banneng ba bone mo go sengwe le sengwe. Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone, gore a tle a e itshepise, a e ntlafatsa ka metsi a a tlhatswang, ka lefoko