Seemo sa Autism le Mme Lesego Mashishi-Matlala – Director (Limitless Occupational Therapy Services)

Published Apr 2, 2018, 9:02 AM
Gompieno Mopitlwe a tlhola malatsi a le mabedi ke letsatsi la bodichaba la Autism, kgotsa autism spectrum disorder. Autism e ka kaiwa jaaka seemo sa go itemogela dikgwetlho go ka inyalanya le batho, mokgwa wa go boeletsa phetelela, dikgwetlho tsa go bua, go akaretsa le bokgoni jo bo kgethegileng le dipharologano. Autism e tla ka mefuta e le mentsi nyana ka ntateng ya go kopana ga ditshika tse di farologaneng le ditlhotlheletsi dingwe go tswa mo tikologong.