Dipina tsa Setswana ke karolo ya nngwe ya ngwao boswa ya morafe wa batswana e e sa ntseng e itumelelwa le gompieno. Re utlwa dipina tsa Setswana di opelwa ke baopedi ba segompieno mme di itumedisa batho jaaka di ne di itumedisa bagologolo. Se bagaetsho ba segompieno ba ka tswang ba sa se itse ke gore pina nngwe le nngwe ya Setswana e na le Bokao jwa yone, go na le dipina tseo di neng di opediwang mo tlase ga mabaka a a rileng