Paka eno mo Afrika Borwa go bonala ele ya manyalo le patlo Magadi/bogadi, Ke nako e e itumedisang thata. Phirimane ya gompieno re lebelela ntlha ya patlo bogadi go akaretsa le ditherisano tsa bogadi. Ke setso gore pele re keteka lenyalo go tshwanetse ga nna le bogadi jo bo ntshiwang mme morago ra kgona go itumelela lenyalo. Ke mang a nang le ditshwanelo/tetla yago rera bogadi goya ka setso? Go buiwa eng kwa bogading? Bo reriwa nako mang, jang? Ka letsatsi la lenyalo le diriwa eng?
Re tlile go tlotla le Oupa Bogatsu, ke Malome gotswa kwa Morafeng wa Batlokwa kwa Molatedi. Re laleditse gape le Rakgadi Maserame Mabitle gotswa mo Dithakong tsa Mahikeng- Barolong. Boikanyo Ramogoelela jaaka gale o teng otla re tlotlela maitemogelo a gagwe le ene.

NNA LE WENA - SALOME MATHOBELA - 12 NOVEMBER 2025
19:17

NNA LE WENA - DISABILITY FEATURE - THAPELO TSHABALALA - NGAKA MZWAKHE AND MORUTI MOKGOKO - 03 SEPTEMBER 2025
43:03

NNA LE WENA - TSHOMARELO YA PUO FEATURE - PROFESSOR GILBERT MOTSAATHEBE AND DOCTOR EILEEN POOE - 18 AUGUST 2025
18:56