Motsweding FM PodcastsMotsweding FM Podcasts

Bokao jwa botsalo jwa Morena mo go rona. Re leba ka leitlho la ga Sakeo mo bukeng ya Luka 19:1-10

View descriptionShare
1Jaanong a fitlha kwa Jerigo, a ralala motse. 2Ga bo go le monna teng, leina la gagwe e le Sakeo, e le mogolo wa bakgethisi, mme a humile. 3Yoo a batla go bona gore Jesu ke mang, mme a palelwa ka ntlha ya batho ba bantsi, ka a ne a le mokhutshwane. 4Ka moo a tabogela kwa pele, a palama setlhare sa motlhatsa gore a mmone, ka a tla feta ka tsela eo. 5Ya re Jesu a fitlha felong foo, a lelala, a mo raya a re: “Sakeo, akofa o fologe! Gonne ke tshwanetse go tlhola mo ntlong ya gago kajeno.”
6Yoo a akofa a fologa, a ba a mo tshola ka boitumelo. 7Ya re botlhe ba bona, ba ngongorega ba re: “O gorogetse kwa monneng wa moleofi go tlhola teng.”
8Sakeo a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena, bontlhanngwe jwa tse ke nang natso ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe sengwe ka patiko, ke tla se mmusetsa gane.”
9Mme Jesu a mo raya a re: “Kajeno pholoso e dirafaletse ntlo e, ka le ene e le morwa Aborahame: 10gonne Morwa-Motho o tsile go batla le go pholosa se se latlhegileng
  • Facebook
  • Twitter
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 1 playlist(s)

  1. Motsweding FM Podcasts

    47 clip(s)

Motsweding FM Podcasts

Different podcast of the station
Social links
Recent clips
Browse 47 clip(s)