Kelebogile Kgetse o buisana le moitseanape wa dipolitiki - Sysman Motloung.
Baeteledipele ba lekoko la ANC ba re tona wa maloba wa tsa metshameko botaki le setso - Zizi Kodwa o tlile go ikanisiwa go nna leloko la kokoano ya bosetshaba gompieno. Seno se diragala le mororo Kodwa a latofadiwa ka bonweenwee. Kodwa o ne o go sale gale a tlogela maemo a gagwe a go nna tona le mo maemong otlhe a lekoko go ya ka molawana wa ANC wa Step Aside morago ga gore a tshwarwe le go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ka ditatofatso tsa bonweenwee.