Kelebogile Kgetse o buisana le Ngaka ya malwetsi a maikutlo le tlhaloganyo, Clinical Psychologist - Dr Keitumetse Mashego
Baitsanape ba malwetsi a tlhaloganyo le kgatelelo ya maikutlo ba re banna ba ba nang le malwetsi a amanang le tlhaloganyo ga ba a tshwanela go nwa bojalwa thata fa ba nale mathata. Baitseanape ba re banna ba le bantsi ba ipolaya fa ba bangwe ba nale maitsholo a a supang fa ba ka batla go ipolaya ka ntlha ya go gatelelwa ga maikutlo le tlhaloganyo. Kgwedi eno ya Seetebosigo ke ya go lebelela boitekanelo ba tlhaloganyo ba banna.