Baeteledipele ba mokgatlho o maloko a one a somareleng ditshwanelo tsa banna, Men's Council of South Africa ba re ba tshwenngwa ke banna ba ba sa direng ba ba sa kgone go tlamela ba-malapa a bone mo pakeng eno ya malatsi a bofelo jwa ngwaga. Baeteledipele ba Men's Council of South Africa, ba ikuela go beng le batsamaisi ba ditlamo, baeteledipele ba mekgatlho ya baagi le ba mekgatlho ya ditumelo tse di farologaneng go ba thusa mo letsholo la bona la "Support a Man in Need - Restore a Family, Rebuild a Nation". Ba re letsholo leno le totile go thusa le go tshegetsa banna ba ba sa direng, go tlamela b malapa a bona mo pakeng eno ya malatsi a bofelo jwa ngwaga. Ba re letsholo leno le tla simolola kwa dikgaolong tsa province ya Gauteng, morago le tswelediwe kwa di-province tsotlhe tsa naga.