Batlhankela ba Commission e e ka ga go somarelwa ga ditshwanelo tsa batho mo Afrika Borwa, SAHRC ba tla kopana le bathati ba di-masepala di le thataro mo province ya North West tebang le go sa tsene dikopano ga bona le batlhankela ba Commission. Dikopano tseno ke tse di ka ga dingongorego tsa baagi tsa go sa neelwe ditirelo ka tshwanelo. Batlhankela ba SAHRC ba re ba tshwengwa ke bathati ba dimasepala ba ba sa ba neeleng mabaka a gore ke goreng ba sa neele baagi ditirelo ka tshwanelo. Dingwe tsa ditirelo tse baagi ba ngongoregang ka tsone di akaretsa tsa metsi.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go romelwa ga masole kwa diprovince tse di farologaneng.
03:59

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Re buisana malebana le go seka-sekiwa sesha ga molao wa BBBEE
06:30