Bathati ba lefapha la dipalangwa kwa Gauteng le batsamaise ba setlamo sa Gautrain ba tswelela ka maano a go netefatsa fa kgwebo ya setlamo e tsapama. Sesheng batsamaise ba Gautrain ba itsisitse lenaane la KlevaMova go rotloetsa batho ba le bantsi kwa Gauteng go dirisa Gautrain. Bathati ba lefapha ba re batho ba sa amogeleng diranta di feta three-hundred-and-fifty thousand ka ngwaga, batho ba ba amogelang madi a thuso a puso, social grant le baithuti batla fokolediwa tlhwatlhwa tsa go dirisa Gautrain ka di-percent di le some a matlhano. Bathati ba lefapha ba re batho ba le bantsi ba retelelwa ke go dirisa Gautrain ka ntlha ya fa ba sena matlole a go duela. Go begwa fa palo ya batho ba ba dirisang Gautrain e fokotsegile ka di-million di le thataro, mo dingwaga di le thataro tse di ntse di feta.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le kgonagalo ya gore dithoto tsa Post Office di rekisiwe ka tsamaiso ya Liquidation
05:34

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le go oketsega ga palo ya badiri ba ba naleng mathata a gambling mo Afrika Borwa
04:01

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20