Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDINGFM: TSELE LE TSELE : Re buisana le moitseanape wa molao mo mererong ya metswedi ya tlhaeletsano, Lerato Ntwampe.

View descriptionShare

Mapodise a re a batlisisa ditiragalo tsa batho ba ba ngokelang basadi kwa mafelong a farologaneng, ka maikaelelo a go ba tlhasela le go ba kgothosa. Go begilwe ditiragalo di le mmalwa tsa banna ba ba ngokang basadi mo metswedi e farologaneng ya tlhaeletsano le boitapoloso e akaretsa wa Facebook, morago ba ba gape la dikgoka le go ba kgothosa. Tiragalo ya go sale gale ke ya ga Olorato Mongale. Setopo sa ga Mongale se fitlhetswe kwa Lombardy West, kwa Province ya Gauteng, morago ga go tsamaya le monna mongwe ka koloi. Sesheng basadi bangwe ba ikgolagantse le mapodise morago ga gore ba utlwe puisano ya ba dikgang tsa SABC le monna mongwe yo e leng tsala ya monna yo o bolailweng ke mapodisa yo o neng a golagangwa le go bolawa ga Mongale. Bangwe ba basadi bano ba ne ba ngokelwa ke monna yoo ka go dirisa Dating App. 

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 2,065 clip(s)