Baeteledipele ba lekoko la Democratic Alliance, DA kwa province ya Gauteng ba re ba tshwengwa ke go oketsa ga palo ya balwetsi ba ba tshwaediwang ke megare kwa maokelong a puso kwa Gauteng. Go begwa fa balwetsi ba feta dikete di le supa ba tshwaeditswe ke megare kwa maokelong a puso kwa province ya Gauteng. Mangwe a maokelo ano a akaretsa jwa Charlotte Maxeke le Chris Hani Baragwanath. Legale bathati ba lefapha la boitekanelo kwa Gauteng ba re ba tlhamile committee e maloko a yona atla netefatsang fa go sa nne le balwetsi ba bangwe ba ba tshwaetsegang

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go romelwa ga masole kwa diprovince tse di farologaneng.
03:59

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Re buisana malebana le go seka-sekiwa sesha ga molao wa BBBEE
06:30