Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDINGFM: TSELE LE TSELE: Re buisana le buisana le sebueledi sa ba DA, Karabo Khakhau .

View descriptionShare

President Cyril Ramaphosa a re ga a dumalane le seo baeteledipele ba lekoko la Democratic Alliance, DA ba reng a se dire - e leng go tlosa mo maemong ditona le batlatsa ditona ba eleng maloko a lekoko la ANC, bao ba latofadiwang ka go tsietsa le bonweenwee. Baeteledipele ba lekoko la DA ba neetse President Ramaphosa malatsi a le mabedi gore a tlose ditona le batlatsa-ditona bano mo maemong a bona. Ramaphosa a re a ka se laelwe ke baeteledipele ba lekoko la DA gore a dire tiro ya gagwe jang. Seno se latela gore Ramaphosa a tlose motlatsa tona wa dikgwebo, Adrew Whitfield mo maemong a gagwe. Ramaphosa a re o tlositse Whitfield mo maemong a gagwe gonne a ile kwa nageng ya America ka mabaka a amang puso ntle le gore a mo letlelele go dira jalo. Whitfield ke leloko la lekoko la DA. 

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 2,039 clip(s)