Tona wa thuto ya di-University le di-College, Nobuhle Nkabane a re baeteledipele ba makoko a sepolitiki kwa parliament ba ba kgatlhanong le go amogela tekanyetso ya lefapha, ga ba kgatelele baithuti. Baeteledipele ba makoko a akaretsang ba Democratic Alliance, DA, Economic Freedom Fighters, EFF le ba uMkhonto weSizwe ba re Nkabane o palelwa ke go dira tiro ya gagwe le gore a ka se kgone go tsamaisa go dirisiwa ga tekanyetso ya diranta di feta billion. Go solefetswe fa tekanyetso ya ba lefapha la thuto ya di-University le di-College e tla dirisiwa go tlhabolola di-College le go oketsa matlole a neelwang ba setheo sa matlole a baithuti, NSFAS.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le ditiragalo tsa go tsewa ga batho ka dikgoka kwa province ya Gauteng.
15:23

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano tebang le puo ya ga Tonakgolo Panyaza Lesufi ya State Of the Province Address - SOPA
06:22

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le mathata a kwa di-masepaleng tsa Free State.
12:04