Mapodise a masepala wa The City of Johannesburg, JMPD, ba ikuela mo bakgweetsing go se duele batho ba eseng batlhankela ba pharakano ba ba thusang go laola pharakano mo ditseleng tsa masepala. Ba JMPD ba re batho bano ba senya di-traffic lights gore e nne bona ba ba thusang go laola pharakano gore ba duelwe ke bakgweetsi. Ba re batlhankela ba pharakano ke bone fela ba ba letleletsweng go laola pharakano fa di-traffic di sa dire.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go romelwa ga masole kwa diprovince tse di farologaneng.
03:59

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Re buisana malebana le go seka-sekiwa sesha ga molao wa BBBEE
06:30