Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le sebueledi sa bosetshaba sa lefapha la merero ya selegae, Siya Qoza

View descriptionShare

Bathati ba lefapha la bosetshaba la merero ya selegae ba batlisisa dipego tsa gore batsadi bangwe ba rekisetsa baditshaba makwalo a matsalo, birth certificates tsa bana ba bona. Motsamaisi kwa kantorong ya merero ya selegae kwa Mitchells Plain kwa province ya Western Cape - Shereen Meyer, a re ba nale melato e le meraro, ya barutwana ba matric ba ba reteletsweng go ikwadisetsa makwalo  boitshupi, di-ID ka ntlha ya fa ba sa kgone go ba neela batlhankela di-birth certificate tsa bona. Meyer a re ba fitlheletse gore bomme ba barutwana bao ba rekiseditse baditshaba di-birth certificate tsa bona. Ga jaana go nale matshwenyego a go dirisiwa ga makwalo a boitshupo a batho go tsietsa. Go ya ka dipalo tsa ba setheo sa Southern African Fraud Prevention Service, ditiragalo tsa dirisiwa ga makwalo a boitshupo a batho go tsietsa di oketsegile ka di-percent di le makgolo-a-mane mo dingwageng di le pedi tse di fetileng. 

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 2,069 clip(s)