Sebueledi sa ga President Cyril Ramaphosa, e leng Vincent Magwenya, a re go rometswe maina a batho ba ba tla nnang le seabe mo committee e maloko a yona a tla thusang go tsamaisa merero ya dipuisano tsa baagi botlhe, National Dialogue, e leng National Dialogue Steering Committee. Magwenya a re go rometswe maina a batho ba ba tla emelang ditheo di le masome a mabedi le borataro. A re ga jaana batho ba ba tlhopilweng ke President Ramaphosa go tsamaisa National Dialogue - e leng Eminent Persons Group, ba seka-seka maina ao, morago ba tla romela ditshitshinyo tsa bona go President

MOTSWEDING FM TSELE LE TSE: Puo Phaa malebana le dikgwetlho tse di ka ga tsamaiso ya go thusiwa ka matlole ga beng ba di-spaza shop.
33:56

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le badiri bangwe ba puso ba go begwang ba gana gore go dirwe di-Lifestyle Audit
05:09

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le tiro ya maloko a Ad Hoc Committee.
15:30