Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le sebueledi sa ba SACP, Alex Mashilo

View descriptionShare


Baeteledipele ba lekoko la ANC ba committee e maloko a yona a tsamaisang merero ya lekoko, National Working Committe, NWC, ba tshitshinya gore baeteledipele ba bosetshaba ba lekoko, NEC ba buisane ka merero e e amang ditlhopo tse di tlang tsa di-masepala. Gareng ga dintlha tse maloko a National Working Committee, NWC ba batlang go buisanwa ka tsona ke go gaisanela ditlhopo tsa ngwaga o tlang tsa di-Masepala ga ba South African Communist Party, SACP ba le nosi.  Baeteledipele ba lekoko la ANC le ba SACP ba nale dingwaga di feta masome a mararo ba le mo semphatong sa Tri-Partite Alliance. Maloko a NWC a batla go swetswe tebang le maloko a SACP ao gape e leng maloko a lekoko la ANC -  le bao eleng maloko a SACP bao ba rometsweng go ya go dira mo pusong ke baeteledipele ba ANC. Se ke jaaka baeteledipele ba SACP ba sweditse go gaisanela ditlhopo tse di tlang ba le nosi

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 2,069 clip(s)