Jaaka o utlwile go sa le gale mo thulaganyong re buisana le leloko la kokoanotheo-moloa ya Gauteng wa lekoko la Democratic Alliance, DA Solomon Chabalala, tebang le matshwenyego a bona a gore batsamaisi ba masepala wa Emfuleni ba duetse beng ba ditlamo di le nne, diranta di feta di-millio di le lesome, go epa mabitla, le mororo go nale badiri ba masepala ba ba ka dirang tiro eno. Mabitla ano ke a kwa dikgaolong di akaretsa Sharpville, Boipatong,Vaal, Evaton le Sebokeng.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le dikgwetlho kwa maokelo le di-clinic tsa puso mo Province ya North West
06:33

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le letsholo la go fedisa ditiragalo tsa bonweenwee le go tsietsa kwa melelwane ya naga.
07:28

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le tshitshinyo ya ba EFF gore go nne le molao o ka ga go fedisa di-tender mo Afrika Borwa, Insourcing Bill.
14:35