Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le Motlhankela Mokhuduthamaga yo mogolo wa nakwana kwa setlamo sa NTI - Dr Ntlhopeng Dikobe

View descriptionShare

Badiri ba setlamo sa dibese sa North West Transport Investment, NTI ba feta sekete ba re ba tlile go retelelwa ke go kwadisa bana kwa dikolong le go duela dikoloto gonne ba ntse ba sa duelwe dituelo tsa bona tsa kgwedi. Go begwa e setse e le sebaka se feta ngwaga bangwe ba badiri ba sa duelwe dituelo tsa bona. Bangwe ba badiri ba ba amegang go begwa ba ipolaile ka ntlha ya mathata a malebana le go sa amogele dituelo tsa bona. Batsamaisi ba setlamo sa NTI ba ne go sale gale ba kopane le bathati ba lefapha la dipalangwa mo North West, baeteledipele ba Federation ya mekgatlho ya badiri - COSATU le banni le seabe ba bangwe kwa Hamanskraal go buisana ka mathata a setlamo seno.  

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

  1. Motsweding fm - Dikgang Tsa Sesheng

    1,382 clip(s)

  2. SABC News Podcasts

    21,400 clip(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 1,865 clip(s)