Batlhankela ba commission ya ditlhopo, IEC, ba re ba tla itsise maloko a committee ya parliament e e ka ga merero ya selegae, ka tshitshinyo ya bona ya gore melao mengwe mo Electoral Act e fetolwe, pele ga ditlhopo tse di tlang tsa di-masepala. Go solofelwa fa batlhankela ba IEC ba tla kopana le maloko a committee eno mo dibekeng di le pedi tse di tlang. Motlatsa-Motlhankela yo mogolo kwa IEC - Masego Shiburi, a re ba totile thata go fetolwa ga Section 15 mo Electoral Act, e e malebana le go seka-sekiwa ga lenaane la batlhopi.

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le go bolawa ga magosi.
05:39

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go tlhokafala ga moeteledipele wa lekoko la COPE,Mosioua Lekota.
02:40

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go tlhaela ka dilo tse botlhokwa jaaka dijo le melemo tsa masole a a dirang kwa melelwaneng.
11:23