Baeteledipele ba mokgatlho wa baagi wa Matlhwaring kwa masepaleng wa Joe Morolong kwa province ya Northern Cape ba ngongorega ka gore bathati ba puso ba retelelwa ke go dira seo ba se ba solofeditseng ka go aga tsela kwa kgaolong ya bona. Baeteledipele bano ba re bathati ba puso ba ne ba tshepisitse baagi gore ba tla dirisa diranta di le di-million di le some a robedi le boraro mo Project ya tsela eno. Ba re matlole ano a ne a dirisediwa Project e nngwe. Baagi ba re le ga jaana Project ya tsela eo ga ise e simololwe. A le wena mo kgaolong ya gago, go nale project nngwe e bathati ba puso ba neng ba solofetsa yone - fela ba ise ba dire seno le ga jaana. Re bolelele ka project eno.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go romelwa ga masole kwa diprovince tse di farologaneng.
03:59

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Re buisana malebana le go seka-sekiwa sesha ga molao wa BBBEE
06:30