Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le moitseanape mo mererong ya continent ya Africa go tswa kwa UNISA - Advocate Sipho Mantula.

View descriptionShare

Motsweding fm - Dikgang Tsa Sesheng

test1
1,403 clip(s)
Loading playlist

President wa naga ya Uganda, Yoweri Museveni, a re o solofela fa a tla tswelela go nna President morago ga ditlhopo tsa bosetshaba kwa nageng eo. Batlhankela ba Commission ya ditlhopo kwa Uganda, ba tsweletse go bala di-Vote, morago ga gore baagi ba tlhope maabane. Museveni e ntse ele President wa naga eo sebaka sa dingwaga di le some a mane. O gaisanela maemo ano le seopedi sa maloba, Robert Kyagulanyi, yo a itsegeng ka Bobi Wine. Kgabagare, baeteledipele ba mekgatlho e e ka ga go somarelwa ga ditshwanelo tsa batho gammogo le ba mokgatlho wa United Nations, ba re ditlhopo kwa nageng ya Uganda ga di tsamaisiwe go ya ka molao. Seno se latela tshwetso ya batlhankela ba Uganda Communications Commission - go eletsa dirisiwa ga internet  ke bao ba dirisang metswedi ya Social Media, ba ditheo dingwe tsa bobegadikgang le baagi mo pakeng ya ditlhopo tsa bosetshaba.

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 1,887 clip(s)