Batsamaise ba setlamo sa Eskom ba ikuela go baagi le beng ba dikgwebo ba ba dirisang motlakase o fetlhiwang ka letsatsi, metsi le phefo, go ikwadisa mo lenaaneng la bona la bao ba dirisang motlakase wa Eskom. Batsamaise ba Eskom ba re baagi le beng ba ba ikwadisang pele kgwedi ya Mopitlwe e fela ba ka se duele. Ba ba ikwadisang morago ga letlha leno ba tla duela diranta di le dikete di le lesome. Batsamaise ba Eskom ba re go ya ka molao, Electricity Regulation Act, batho ba ba dirisang motlakase o fetlhiwang ke ba ditlamo tse dingwe ba dirisa gape le motlakase wa Eskom, ba tshwanetse go ikwadisa.

MOTSWEDING FM: ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Gogo Dikeledi Letsholo.
04:20

MOTSWEDING FM: ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Locious Bodibeo tswa kwa Motor Industry Ombudsman.
08:14

MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Tumi Photesh Nong.
05:26