President Cyril Ramaphosa o itsisitse fa a tlosa Tona wa Mapodise Senzo Mchunu nakwana mo tirong ke President Cyril Ramaphosa. Seno se latela gore commissioner wa mapodise kwa province ya KwaZulu Natal, Lieutenant General Nhlanhla Mkhwanazi a bege fa go nale batho ba ba itshunyang mo tirong ya mapodise le go kgoreletsa mapodisa go dira tiro ya bona. Lieutenant General Mkhwanazi o latofatsa Tona wa mapodise, Senzo Mchunu ka gore o dirisana le maloko a digongwana tsa bosinyi ba ba akaretsang mogwebi yo o golanngwang le ditiro tsa bosinyi, Vusimusi "Cat" Matlala

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le Exit Vetting mo lephateng la mapodise.
04:35

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le Zero Tolerance Corruption Bill.
14:47

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le barutwana ba ba tsubang di-fire extinguisher kwa dikolong.
04:15