Nocks Seabi, a re ba sweditse gore beng le batsamaisi ba dikgwebo bao ba thapiwang go agela baagi matlo, ba tla duelwa fela fa ba sena go fetsa tiro ya bone. Maloko a commitee ya parliament ya merero ya matlo,ba tsweletse ka letsholo la go seka-seka di-project tsa bathati ba lefapha la merero ya matlo tsa go agela baagi matlo, le go tlhabolola mafelo a baipei go ralala naga. Ga jaana maloko a seka seka diproject tsa matlo mo province ya North West. Seabi a re bathati ba puso ba diega go neela baagi di-Tittle Deed. A re ba tlile go kopana le baagi kwa di-Province tse dingwe go buisana ka ga di-Project tsa go agela baagi matlo.

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le dikgwetlho kwa maokelo le di-clinic tsa puso mo Province ya North West
06:33

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le letsholo la go fedisa ditiragalo tsa bonweenwee le go tsietsa kwa melelwane ya naga.
07:28

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le tshitshinyo ya ba EFF gore go nne le molao o ka ga go fedisa di-tender mo Afrika Borwa, Insourcing Bill.
14:35