Maloko a committee ya parliament a seka-sekang go fetolwa ga dintlha tsa molaotheo - Constitutional Review Committee, a kopa baagi go romela dintlha tse di kwadilweng, tebang le se ba ka batlang se fetolwa mo molaotheo wa naga. Baagi ba nna le tshono ya go romela dintlha tsa bona tsa go fetolwa ga molaotheo ngwaga le ngwaga. Seno ga se a direga ngwaga o fetileng, ka ntlha ya fa e ne e le ngwaga wa ditlhopo tsa bosetshaba.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go romelwa ga masole kwa diprovince tse di farologaneng.
03:59

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Re buisana malebana le go seka-sekiwa sesha ga molao wa BBBEE
06:30