Kerapetse Poo o buisana le moitseanape mo mererong ya Branding, Terry Bogopane go latela gore baitseanape mo morerong wa Branding ba re se se buiwang ke President ya America, Donald Trump tebang le gore basweu ba morafe wa ma-Afrikaner ga ba tsholwe sentle mo nageng se ka dira gore bangwe ba bathati ba dinaga tsa boditshaba ba se batle go dirisana le bathati ba Afrika Borwa. Basweu ba morafe wa Ma-Afrikaaner ba le some-a-mane le borobongwe ba fudugetse kwa nageng ya America ka ntlha ya fa ba re ga itumelele ka moo ba tsholwang ka teng mo nageng. Go begwa fa palo ya basweu ba morafe wa Ma-Afrikaaner ba fudugang mo Afrika Borwa go ya go nna kwa nageng ya America e ka oketsega

MOTSWEDING FM TSELE LE TSE: Puo Phaa malebana le dikgwetlho tse di ka ga tsamaiso ya go thusiwa ka matlole ga beng ba di-spaza shop.
33:56

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le badiri bangwe ba puso ba go begwang ba gana gore go dirwe di-Lifestyle Audit
05:09

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le tiro ya maloko a Ad Hoc Committee.
15:30