Mokhuduthamaga wa merero ya di-masepala kwa Northern Cape, Bentley Vass a re ba tlile go ya kwa di-masepala tsotlhe kwa province go lebelela gore ke eng se se tlholang mathata a leng gone kwa di-masepaleng. Vass a re ba tshwenyang ke bathati ba di-masepala bao ba sa fitlheleleng boruni jo bo siameng. Go ya ka pegelo ya moruni, Tsakani Maluleke, ke bathati ba di-masepala di le pedi fela bao ba fitlheletseng moruni jo bo siameng mo ngwaga e fetileng ya matlole. President Cyril Ramaphosa o ikuela go bathati ba puso ya province ya Northern Cape go fedisa dikgwetlho tse di leng gone kwa province, bogolo segolo tse di kwa di-masepaleng. Re ne re kopile go buisana le mokhuduthamaga Bentley Vass, fela ka maswabi ga a kgone go buisana le rona gonne a samagane le merero e mengwe.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go romelwa ga masole kwa diprovince tse di farologaneng.
03:59

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Re buisana malebana le go seka-sekiwa sesha ga molao wa BBBEE
06:30