Goitseone Moremi o buisana le leloko la parliament la Botswana Democratic Party, BDP, Mabuse Pule a re ga ba dumalane le tshitshinyo ya gore molaotheo wa naga o seka-sekiwe. President wa Botswana, Duma Boko a re o batla gore go nne le molao o tla dirang gore go nne le kgotlatshekelo ya molaotheo kwa Botswana, Constitutional Amendment Bill. Baeteledipele ba makoko a sepolitiki ba re ba kgatlhanong le gore seka-sekiwe molaotheo sesha go sa buisanwa le baagi.