Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDING FM-TSELE LE TSELE: Puisano le Shiyekile Mayekani.

View descriptionShare

Baeteledipele ba mokgatlho wa di-taxi, SANTACO ba kgatlhanong le gore bakgweetsi ba dikoloi tsa di-seven seater ba pege batho. Baeteledipele ba SANTACO ba re bakgweetsi ba di-taxi, ba ntse ba ngongorega ka gore go dira ga bakgweetsi ba di-seven seater go ama kgwebo ya bone. Beng ba di-taxi kwa Klerksdorp mo Province ya North West, ba re ba batla gore mapodisi le batlhankela ba pharakano ba tshware bakgweetsi ba dikoloi tsa di-seven seater, ba ba pegang batho go se mo molaong kwa kgaolong ya bone. Beng ba di-taxi ba ne ba parega tsela ka di-taxi. Baeteledipele ba SANTACO ba ikuela go bathati ba lefapha la dipalangwa go thibela bakgweetsi ba dikoloi tsa di-seven seater go pega batho. Goitseone Moremi o buisana le mokwaledi wa ba SANTACO mo province ya NorthWest, Shyekile Mayekani ka seno.

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 2,084 clip(s)