Kerapetse Poo o buisana le motlhankela go tswa kwa mokgatlho wa badiri ba puso, PSA Kabelo Moalosi ka ga dipatlisiso di dirilweng ke ba Gauteng Ethics Advisory Council. Go ya ka pegelo eno, badiri ba puso ba feta lekgolo some a matlhano ba dira kgwebo mo mafapheng a a farologaneng a puso. Seno ga se a letlelesega go ya ka Section 8(2) ya the Public Administration Management Act. Lefapha le go naleng badiri ba le bantsi ba ba dirang kgwebo mo lefapheng le ba dirang mo go lone ke la thuto. Ke badiri ba lefapha la thuto ba feta lekgolo ba ba dirang kgwebo mo lefapheng. Mafapha a mangwe a amegang ke la boitekanelo, la matlo, le la dipalangwa

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le kgonagalo ya gore dithoto tsa Post Office di rekisiwe ka tsamaiso ya Liquidation
05:34

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le go oketsega ga palo ya badiri ba ba naleng mathata a gambling mo Afrika Borwa
04:01

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le matshwenyego a gore masole a ka dirisa dikgoka mo baaging.
14:20