Goitseone Moremi o buisana le motlatsa tona wa metsi, Sello Seitlholo. ka ga dipego tsa gore batsamaise ba masepala wa The City of Tshwane ba dirisitse diranta di feta di-million di le makgolo a le supa go neela baagi metsi ka di-tanka. Ngwaga e fetileng, batsamaise ba masepala wa Ngaka Modiri Molema mo province ya North West ba itsisitse fa ba dirisa diranta di feta di-million di le nne ka kgwedi go neela baagi metsi ka di-tanka. Baeteledipele ba makoko a sepolitiki ba re seno se dira gore baagi ba sa neelwa metsi jaaka go tshwanetse.

MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Prudence Moiloa.
06:07

MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Kagiso Kaebis.
04:23

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puo Phaa ka maemo kwa moepong wa Ekapa Minerals kwa Kimberly.
38:36