Goitseoene Moremi o buisana le monnasetilo wa maloba wa National Bargaining Council for the Private Security Sector, Khumbulani Moyo go latela gore mapodise ba fitlhetse dithunya di feta makgolo a le mabedi kwa lefelong la setlamo sengwe sa tshireletso sa private kwa Krugersdorp. Go begwa fa batsamaise ba setlamo seno ele kgale ba adima disenyi dithunya tseno le go di dirisa mo ditiragalo tsa bosenyi tse di akaretsang go thubela kwa dikgwebong le go kgothosa koloi e tsamaisang madi. Mapodise a ntse a tsweletse ka letsholo la Operation Buyisa, go fedisa dithuya tse di seng mo molaong mo Afrika Borwa.

MOTSWEDING FM: Itlhabe Botlhale: Puisano le KokiMolf wa "Mojolo o healthy"
04:44

MOTSWEDING FM: ITLHABE BOTLHALE : Puisano le Edward Kgarose
09:36

MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE: NEW BORN HAIR.
03:08