Goitseone Moremi o buisana le moitseanape wa dipolitiki, Arthur Shopola tebang le ntlha ya gore Motlatsa tona wa mapodise Polly Boshielo a re go ya ka molao a ka se thapiwe go nna tona wa nakwana wa mapodise. Seno ke morago ga gore batho bangwe ba botse gore ke goreng President Cyril Ramaphosa a sa thape motlatsa tona mongwe wa mapodise go nna tona wa nakwana wa mapodise, le mororo go nale batlatsa-tona ba le babedi ba mapodise. President Ramaphosa o thapile Professor Firoz Cachalia go nna tona wa nakwana wa mapodise. Ga jaana President Ramaphosa o thapile tona ya Gwede Mantashe go nna tona wa mapodise nakwana go fitlha Cachalia a simolola ka tiro ya gagwe mo kgweding e tlang.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le merero e ka ga ditlhopo tse di tlang tsa di-Masepala.
14:33

MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Puisano malebana le dikgwetlho kwa maokelo le di-clinic tsa puso mo Province ya North West
06:33

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano malebana le letsholo la go fedisa ditiragalo tsa bonweenwee le go tsietsa kwa melelwane ya naga.
07:28