Goitseone Moremi o buisana le motshola matlole wa bosetshaba wa lekoko la EFF, Omphile Maotwe tebang le tshitshinyo ya bone ya gore go nne le molawana o ka ga go fedisa go dira ga di-tender mo Afrika Borwa, Insourcing Bill. Baeteledipele ba lekoko la EFF ba re ba batla gore go thapiwe batho bao batla kgona go dira tiro e ka gale go thapiwang beng ba ditlamo tsa private mo mafapheng a puso, ditlamo tsa puso go akaretsang le kwa di-masepaleng go neela ka ditirelo. Baeteledipele ba lekoko la EFF ba re seno se tla thusa go fedisa bonweenwee.

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le boikuelo jwa gore Sisi Khampepe a tlosiwe mo maemong a go nna monnasetilo wa Khampepe Commission.
03:10

MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: Puisano malebana le go sengwa ga didiriswa tsa metsi kwa dikgaolong tsa masepala wa JS Moroka kwa province ya Mpumalanga.
04:07

MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano malebana le go emisa go neela baagi motlakase kwa di-masepala tse bathati ba tsone ba kolotang ba setlamo sa Eskom.
06:32