Motsweding FM - Dikgang Tsa SeshengMotsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

MOTSWEDING FM: BORESETSE: Tsibogo ya President wa Operation Dudula tebang le molato wa go bolaya, kgatlhanong le bona.

View descriptionShare
 

Kelebogile Kgetse o buisana le President wa Operation Dudula, Zandile Dabula. 

Mapodise kwa province ya Gauteng ba re ba batlisisa molato wa go bolaya kgatlhanong le baeteledipele ba mokgatlho wa baagi wa Operation Dudula. Seno se latela gore baeteledipele ba lekoko la Economic Freedom Fighters(EFF) kwa Gauteng, ba tlhatlhele molato kwa mapodiseng, morago ga go tlhokafala ga ngwana yo mmagwe e leng moditshaba wa Malawi. Baeteledipele ba lekoko la EFF ba re baeteledipele ba Operation Dudula ba ganne ngwana a alafiwa kwa clinic ya puso ka ntlha ya fa mmaagwe a sena makwalo a maleba a go nna mo Afrika Borwa. Tiragalo eno go begwa e le ya dikgwedi di le pedi tse di fetileng. 

  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 2 playlist(s)

Motsweding FM - Dikgang Tsa Sesheng

Dikgang Tsa Sesheng. Brought to you by SABC News
Social links
Recent clips
Browse 2,194 clip(s)